Wikipedia
tnwiki
https://tn.wikipedia.org/wiki/Tsebe_ya_konokono
MediaWiki 1.46.0-wmf.26
first-letter
Pego
Faphegileng
Puisano
Modirisi
Puisano ya modirisi
Wikipedia
Puisano ya Wikipedia
Setshwantsho
Puisano ya setshwantsho
MediaWiki
Puisano ya MediaWiki
Tempolete
Puisano ya tempolete
Thuso
Puisano ya thuso
Karolo
Puisano ya karolo
TimedText
TimedText talk
Module
Module talk
Event
Event talk
Atlasaone "ATI" Molemogi
0
13186
49741
49679
2026-05-03T18:41:28Z
Dumbassman
6831
49741
wikitext
text/x-wiki
'''Atlasaone "ATI" Molemogi''' (Lwetse 28,1989 - Phatwe 31,2025), o itsegeng ka leina la ATI kana Lekhete , e ne e le moopediwa Botswana yo o gapileng dikgele di le dintsi.<ref name=":0">https://yourbotswana.com/gone-too-soon-much-loved-music-star-ati-dies/</ref> O tsholwetse kwa Serowemme a golela mo Lerala. ATI o ne a itsege ka mmino wa gagwe o o kopanyang motswakole mowa wa setho,mme a tlotliwa thata morago ga go gapa dikgele di le thataro kwa dikgeleng tsa BOMU ka ngwaga wa 2017.O tlhokafetse ka Phatwe 31,2025, mme poloko ya gagwe e ne ya nna nngwe ya tse di tona mo ditsong tsa mmino mo Botswana,kwa Tautona Duma Boko a neng a mo tlotla e le moitsenape wa botlhokwa.
== Tshimologo ya botshelo ==
Atlasaone o tsholetswe kwa Serowe, Botswana. O goletse mo dintlheng tse di farologaneng tsa lefatshe leno, go akaretsa Serowe le Lerala.<ref>https://dailynews.gov.bw/news-detail/88462</ref> O lemogile lorato lwa gagwe lwa mmino a sa le monnye thata, mme a o dirisa e le tsela ya go ntsha maikutlo ka dikgwetlho tsa botshelo tse a neng a lebane le tsone. O ne a ikaba leina la boopedi la ATI, le gantsi a neng a tlhalosa gore le emetse "Atas-The-Incredible.
== Ditiro tsa mmino ==
ATI o ne a simolla go itsege thata mo lefatsheng lotlhe ka ngwaga wa 2010 morago ga go ntsha khasete ya gagwe ya Batho Bame. Ka bofefo, o ne a itsege ka botswerere jwa gagwe jo bo kgethegileng jwa go tlhagelela mo seraleng, jo gantsi bo neng bo akaretsa go penta sefatlhego ka pente e ntsho—mokgwa o a neng a o tlhalosa e le sesupo sa "moriti" wa gagwe wa botswerere le boteng jwa semowa.<ref name=":1">https://www.mmegi.bw/lifestyle/ati-hits-hard-as-davido-flops/news</ref>
== Phenyo ya BOMU 2017 ==
Go gola ga ditiro tsa gagwe go ne ga fitlha kwa setlhoeng ka dikgele tsa Botswana Music Union (BOMU) ka 2017. ATI o ne a dira ditso ka go gapa dikgele di le thataro ka bosigo bo le bongwe morago ga katlego ya alebamo ya gagwe ya Envelope.<ref name=":1" /> Pina ya gagwe e e neng e tumile thata ya "Khiring-Khiring Khorong" e ne ya nna pina ya setshaba, mme ya gapa sekgele sa Pina ya Ngwaga.
== Ditiro tsa bofelo le boitshwaro ==
Mo dingwageng tsa gagwe tsa bofelo, ATI o ne a fetoga mme a nna molwela-ditshwanelo wa mowa wa setshaba. O ne a simolola mokgatlho wa #KeNaLeATI, o o neng o itebagantse le tlhokego ya ditiro mo bašeng le boikarabelo jwa sepolotiki.<ref>https://www.thegazette.news/features/remembering-ati-the-liberator-we-never-knew-we-needed/</ref> Pina ya gagwe e a e ntshitseng ka 2023, ya "Stimamolelo," e ne ya tlotlomadiwa thata ka ntlha ya nnete e e tswang kwa teng malebana le kgaratlho ya gagwe le bolwetse jwa go tlhoka boitumelo mo moweng.<ref>https://hiphopafrican.com/ati-stands-with-the-entertainment-industry/</ref>
== Loso le boswa jwa bosetšhaba ==
ATI o tlhokafetse ka Phatwe a le 31, 2025, kwa bookelong bongwe mo Gaborone morago ga go amogelwa ka ntlha ya bolwetse jwa nakwana.<ref name=":0" /> Loso lwa gagwe lo ne lwa baka nako ya khutsafalo mo lefatsheng lotlhe. Ka Lwetse a le 2, 2025, tirelo ya segopotso (Merapelo) e ne ya tshwarelwa kwa Mmadikolo (University of Botswana Sports Arena), mme ya tsenelwa ke dikete tsa balatedi le balaodi ba puso, go akaretsa le Tautona Duma Boko.<ref name=":2">https://dailynews.gov.bw/photo-news-details/88466</ref>
Mo tirelong eo, lelapa la gagwe le ne la bua ka nnete le phatlalatsa ka kgaratlho ya gagwe ya lobaka lo loleele le tiriso e e feteletseng ya nnotagi le diritibatsi, kgato e e neng ya akgolwa thata ka go bo e ne e thuba kgethololo le go tlhoka kitso malebana le botsogo jwa tlhaloganyo mo Botswana. O ne a bewa mo bodulong jwa gagwe jwa bofelo kwa Lerala ka Lwetse a le 6, 2025.<ref name=":2" />
== Metswedi ==
{{Reflist}}
7hhx2h1acgbsv9siruci7xhp5h46782
Goo Moremi Gorge
0
13188
49740
49681
2026-05-03T18:38:58Z
Dumbassman
6831
49740
wikitext
text/x-wiki
'''Goo Moremi Gorge''' e kwa botlhaba jwa Botswana, dikhilometara di ka nna masome a marataro le bosupa (67 km) kwa botlhaba jwa toropo ya Palapye, mo motseng o monnye wa Goo Moremi. Goo Moremi Gorge ke lefelo la ngwao le le babaletsweng le le fa gare ga dithaba tsa Tswapong. Lefelo le, le na le metswedi e e sa pheng e e bopang diphororo tse di kgethegileng, di dikanyeditswe ke dithaba le matswapo a a bogale.<ref name=":0">https://www.botswanatourism.co.bw/destination/goo-moremi-gorge</ref>
Lefelo le la tlholego le na le merogo le ditlhare tse di sa tlwaelegang, mmogo le diphologolo tsa naga di akaretsa tholo, kukama, phuti, le mefuta e e farologaneng ya dinonyane. Gape, go na le Goo Moremi Lodge e e fang bajanala marobalo a a segompieno fa ba etetse Goo Moremi Gorge. Lodge e, e na le matlo a manobonobo , madibogo a go thibelela (campsites), le ditente.<ref name=":0" />
== Ditso le ditumelo tsa segologolo ==
Goo Moremi Gorge e tsewa e le lefelo le le boitshepo ke morafe wa Bapedi le Batswapong, ba ba dumelang gore lefelo le ke legae la badimo ba bone. Ka ntlha ya boitshepo jwa lone, baeti ba tshwanelwa ke go latela melao e e tshwanetseng ya ngwao, go akaretsa:
Go didimala le boitshwaro: Go letsa molodi, go goa, kgotsa go dira modumo ope o o kwa godimo mo Goo Moremi Gorge go iletswe gotlhelele.
Kiletso ya go thuma: Le fa go na le matsha a metsi, go thuma mo phororong go a ilediwa ka gonne e tsewa e le e e boitshepo mme e le ya badimo.
Baeteledipele ba ba tlamang: Go tsena mo Goo Moremi Gorge go letleletswe fela fa o na le mookami wa mo gae (guide) go netefatsa gore melao ya ngwao e a tlotliwa.<ref>https://www.mmegi.bw/features/goo-moremi-a-place-of-unspoilt-gorges-and-amazing-folklore/news-56462</ref>
== Metswedi ==
{{reflist}}
svdq3xek7g6m02di99l6mlhg9ljd3a0