Wikipedia tnwiki https://tn.wikipedia.org/wiki/Tsebe_ya_konokono MediaWiki 1.47.0-wmf.15 first-letter Pego Faphegileng Puisano Modirisi Puisano ya modirisi Wikipedia Puisano ya Wikipedia Setshwantsho Puisano ya setshwantsho MediaWiki Puisano ya MediaWiki Tempolete Puisano ya tempolete Thuso Puisano ya thuso Karolo Puisano ya karolo TimedText TimedText talk Module Module talk Event Event talk Sive Mabuya 0 11622 54220 48542 2026-08-18T16:57:36Z InternetArchiveBot 8156 Rescuing 1 sources and tagging 0 as dead.) #IABot (v2.0.9.5 54220 wikitext text/x-wiki {{Infobox person|name=Sive Mabuya|birth_name=Sivenathi Mabuya|other names={{Plainlist| * Sivenathi Bukani * Sive Mabuya-Bukani }}|birth_date=23 Mopitlo 1993|citizenship=MoAforika Borwa|occupation=Motshamekki|spouse=Aphiwe Bukani{{Marriage|Present|2023}}}} '''Sivenathi Mabuya-Bukani''' (o tshotswe ka Moranang a le malatsi a masome mabedi le boraro ka 1993)<ref name=":0">[https://web.archive.org/web/20250707185341/https://mlasa.com/actors/siva-mabuya/ "Sive Mabuya-Bukani"]. ''MLASA''. Retrieved 27 Phalane 2025.</ref> ke modiragatsi wa Aforika Borwa. O itsege thata ka dikarolo tsa gagwe jaaka Mkabi mo drameng ya ditso ya [[Showmax]] ''[[Shaka iLembe]]'', Zoleka mo motseletseleng wa [[Netflix]] wa ''[[How to Ruin Love]]'' le Xolile mo drameng ya [[e.tv]] ya ''[[Scandal!]]''. == Botshelo jwa pele le thuto == Mabuya o tsholetswe kwa [[Cape Town]], mme a godisediwa kwa [[East London, Aforika Borwa]], mmogo le bana ba gaabo ba bararo.<ref name=":0" /> O ne a tsaya karolo mo setlhopheng sa drama ya sekolo sa gagwe mme a tlhagelela mo ditlhagisong tsa kereke ka nako ya bosha jwa gagwe.<ref name=":1">lisa (2023-12-08). [https://web.archive.org/web/20240618155601/https://mzansiprofiles.co.za/sive-mabuya-biography-age-early-life-career-filmography-personal-life/ "Sive Mabuya Biography"]. ''Mzansi Profiles!''. Retrieved 27 Phalane 2025.</ref> O weditse dithuto tsa gagwe tse di kgolwanwe ka tlotlo mo seraleng le mo bodiragatsi, mme moragonyana a bona dikirii ya Bachelor of Fine Arts (BFA) mo Bobogelong.<ref>Walubengo, Peris (2021-09-15). [https://briefly.co.za/109446-sive-mabuya-age-child-real-husband-parents-career-profiles.html "Sive Mabuya: age, child, real husband, parents, career, profiles - Briefly.co.za"]. ''briefly.co.za''. Retrieved 27 Phalane 2025.</ref> Ka 2013, o ne a fudugela kwa [[Johannesburg]] go ya go dira tiro ya gagwe ya bodiragatsi.<ref name=":1" /> == Tiro == Ka 2015, Mabuya o ne a fenya kgaisano ya go diragatsa mo Difiliming tsa MAQ, e e neng ya atlholwa ke badiragatsi ba Aforika Borwa, [[Shona Ferguson]], [[Sdumo Mtshali]], [[Nomzamo Mbatha]] le mokaedi [[Darell Roodt]]. Phenyo ya gagwe e ne ya mo isa go karolo mo filiming ya ga Roodt ya ''Skorokoro,'' e latelwa ke go qiponagatsa mo motseletseleng wa thelebeshine wa ga Ferguson wa ''[[Igazi]].''<ref name=":1" /> Ka Sedimonthole 2015, o ne a tshameka mo filiming ya M-Net ya ''The Ring'', mmogo le [[Kenneth Nkosi]], [[Ntando Mcube]] le [[Cedric Fourie]]. Morago ga moo o ne a tlhagelela mo filiming e e tlhageletseng ya ''[[The lucky Specials]]'' (2016), ga mmogo le [[Thomas Gumede]].<ref>[https://www.tvsa.co.za/actors/viewactor.aspx?actorid=17618 "Sive Mabuya | TVSA"]. ''www.tvsa.co.za''. Retrieved 27 Phalane 2025.</ref> Diponagalo tse dingwe tsa ga Mabuya mo thelebišeneng di akaretsa S''ober Companion'' (SABC3), ''Smoke & Mirrors'', ''Easy Money'', ''Housewives'' (mmogo le [[Renate Stuurman]] le [[Loyiso MacDonald]]) le ''Cobrizi''.<ref>[https://www.sowetan.co.za//s-mag/2022-01-17-sivenathi-mabuyas-acting-dream-turns-into-reality/ "Sivenathi Mabuya's acting dream turns into reality"]. ''Sowetan''. 2022-01-17. Retrieved 27 Phalane 2025.</ref> == Bodiragatsi == {| class="wikitable" |+ !Ngwaga !Setlhogo !Karolo !Dinopolo |- |2016 - 2017 |''[[Igazi]]'' |Norooi | - |- |2016 |''[[Sober Companion]]'' |Faith |2 episodes |- |2016 |''[[High Rollers]]'' |Angela-Jane <nowiki>''</nowiki>AJ<nowiki>''</nowiki> Elison |129 Episodes |- |2017 |''[[The Lucky Specials]]'' |Nkanyiso | - |- |2017 |''[[Scandal!]]'' |Xolile |1 episode |- |2020 |''[[Kedibone]]'' |Niki | |- |2021 |''Housewives'' | - | - |- |2022 |''[[A Royal Surprise]]'' |Nandi | - |- |2024 |''How To Ruin Love'' |Zoleka | - |- |2024 |''[[Why the Cattle Wait]]'' |Sihle | - |- |2025 |''Cobrizi'' |Bongiwe |13 episodes |- |2025 |''The Letter'' |Masello Musa | - |- |2025 |''The Chip'' |Thandi | - |- |2023 - 2025 |''[[Shaka iLembe]]'' |Mkabi |5 Episodes |} == Dietsele le ditlhopho == * 2018:Nominated - Best Actress in a Supporting Role , Africa Movie Academy Awards <ref>[https://web.archive.org/web/20250917214039/https://thebar.co.za/latest_news/sivenathi-mabuya-young-hungry-talented/ "Sivenathi Mabuya – Young, Hungry & Talented"]. ''thebar. Magazine''. 2019-06-11. Retrieved 27 Phalane 2025.</ref> * 2025:Nominated - Next Rated Female Movie Star of the Year, Africa Choice Awards ([[Nigeria]])<ref>Tleane, Lebo (2024-12-02). [https://youthvillage.co.za/2024/12/sivenathi-mabuya-gushes-over-her-latest-award-nomination/ "Sivenathi Mabuya Gushes Over Her Latest Award Nomination"]. ''Youth Village''. Retrieved 27 Phalane 2025.</ref> == Botshelo jwa gagwe == Mabuya o nyalane le Aphiwe Bukani ka Motsheganong a rogwa ka 2022.<ref>[https://www.timeslive.co.za/tshisa-live/tshisa-live/2023-05-03-sive-mabuya-celebrates-first-wedding-anniversary-with-her-hubby/ "Sive Mabuya celebrates first wedding anniversary with her hubby"]. ''TimesLIVE''. 2023-05-03. Retrieved 27 Phalane 2025.</ref> Banyalani bao ba ne ba amogela ngwana wa bone wa ntlha ka Lwetse 2025.<ref>Mdaka, Zintle (2025-10-02). [https://www.bona.co.za/entertainment/sive-mabuya-and-husband-welcome-bundle-of-joy/ "Sive Mabuya and husband welcome bundle of joy"]. ''Bona Magazine''. Retrieved 27 Phalane 2025.</ref> == Metswedi == <references /> [[Karolo:Batho ba ba tshelang]] p2jy42wi2ymz9978ex8qok843tx4mk0 Sekolo Sa St Joseph's College, kgale 0 13213 54219 53199 2026-08-18T16:18:36Z InternetArchiveBot 8156 Rescuing 2 sources and tagging 0 as dead.) #IABot (v2.0.9.5 54219 wikitext text/x-wiki [[Setshwantsho:St. Joseph's College, Kgale LOGO.jpg|thumb|'''Sekolo sa St. Joseph's''']] '''Kholeje ya St. Joseph''' ke sekolo sa SeKatoliki se se thusiwang ke puso se se mo [[Gaborone]], Botswana.<ref>[http://www.localbotswana.com/company/12397/ST_JOSEPHS_COLLEGE "ST JOSEPH'S COLLEGE".] Retrieved 17 June 2016.</ref><ref>[http://www.localbotswana.com/company/12397/ST_JOSEPHS_COLLEGE "St Joseph's College"]. LocalBotswana.com. Retrieved 24 August 2015.</ref><ref>[https://web.archive.org/web/20260519064916/https://www.africanadvice.com/1346557/Colleges/Botswana/St_Joseph%27s_College/ "St Joseph's College".] Africa Pages. Retrieved 24 June 2016.</ref> Se tlhamilwe ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a mabedi le borobabobedi ke ba Kereke ya SeKatoliki, Kholeje ya St. Joseph maikaelelo a yone ke go fa bana ba Batswana thuto. Jaaka sekolo sa barongwa se se thusiwa ke puso, madi a yone a tswa mo pusong ya Botswana, fa bong le tsamaiso di le ka fa tlase ga Diyosese ya Roma ya SeKatoliki ya Gaborone.<ref>[http://dioceseofgaborone.mariannhillmedia.org/ "Diocese of Gaborone main website"]</ref> Kholeje e tsamaya ka lenaneothuto la bosetšhaba le le beilweng ke Lephata la Thuto le Tlhabololo ya Bokgoni la Botswana.<ref>[https://web.archive.org/web/20100118184745/http://www.moe.gov.bw/index.php "Ministry of Education".] Archived from [http://www.moe.gov.bw/index.php the original] on 18 January 2010.</ref> Fa ba fetsa lenaneo la bone la dithuto, baithuti ba kwala tlhatlhobo ya bofelo ya Setankana sa Botswana sa Thuto ya Bobedi (BGCSE).<ref>[https://web.archive.org/web/20161010125524/http://www.bec.co.bw/ "Botswana Examinations Council".] Archived from [http://www.bec.co.bw/ the original] on 10 October 2016.</ref> Kholeje ya St. Joseph, Kgale, e itsiwe jaaka sekolo se segolwane sa puso se godisang maitsholo a laolesegang mo baithuting.<ref>[http://www.mmegi.bw/index.php?aid=58127&dir=2016/february/26 "Education in crisis"]. Mmegi Online. 26 February 2016. Retrieved 10 October 2016.</ref>Sekolo se na le leina le le ntle la maduo a a kgatlhisang mo Ditlhatlhobong tsa Bosetšhaba. == Moono == ==== Mola wa motheo: Per aspera ad astra ==== Moono wa sekolo ke _Per Aspera Ad Astra_. Lefoko _Ad astra_ le tswa mo puong ya Selatine mme le ranola "go ya kwa dinaleding," fa _per aspera_ e le lefoko le lengwe la Selatine le le rayang "ka mathata" kgotsa "ka dikgwetlho."<ref>Keiter, Heinrich (1872). [[iarchive:perasperaadastr00keitgoog|Per aspera ad astra!: Roman]]. Hermann Costenoble. p. 67. Retrieved 10 October 2016. Per aspera ad astra!: Roman By Heinrich Keiter.</ref><ref>Ookeditse, Lawrence. [http://www.mmegi.bw/index.php?sid=1&aid=3&dir=2008/August/Tuesday5//// "Per Aspera, Ad Astra"]. Mmegi Online. Retrieved 10 October 2016.</ref> == Kokelo ya Barongwa ya St. Joseph == Sekolo sa St. Joseph se na le kokelo e e diretsweng go thusa baithuti ba yone ka ditirelo tsa kalafi. Kokelo e na le badiri ba tsa botsogo ba ba nang le dithutego, go akaretsa baoki le dingaka. Mo godimo ga moo, kokelo e direla le batho ba ba tswang kwa ntle ba ba itseng ka go nna teng ga yone. Badiri ba tsa kalafi ba akaretsa baoki ba ba katisitsweng le dingaka tse di nang le dithutego, bangwe ba bone e le bosisitere.<ref>[https://web.archive.org/web/20260518121819/https://www.africanadvice.com/1346630/Private_Clinics/Botswana/St_Joseph%27s_Mission_Clinic/ "St Joseph's Mission Clinic".] African Advice. Retrieved 10 October 2016.</ref> == Boitshupo jwa Sekolo == === Mebala === Botala jwa segosi, Botala jwa loapi le Bopududu<ref>[http://www.mmegi.bw/index.php?aid=49518 "Mmegi Online :: Bravo to St Joseph's College".] Mmegi Online. Retrieved 26 October 2016.</ref> == Metswedi == hzzuyqxmyfpan4m1urea3ahd4opntx8 Noka ya Suguta 0 13694 54217 51111 2026-08-18T13:50:58Z InternetArchiveBot 8156 Rescuing 1 sources and tagging 0 as dead.) #IABot (v2.0.9.5 54217 wikitext text/x-wiki '''Noka ya Suguta''' ke noka ya setlha mo Great Rift Valley kwa Kenya (Aforika), kwa borwa jwa Letsha la Turkana. E elela kwa bokone go ralala Mogogoro wa Suguta ka paka ya dipula, e dira Letsha la nakwana la Alablad, letsha le le omileng le le kopanang le Letsha la Logipi kwa ntlheng ya bokone ya mogogoro. [https://web.archive.org/web/20120426070349/http://wldb.ilec.or.jp/data/ilec/WLC13_Papers/others/5.pdf]<ref>Mathea, Chege David (November 1, 2009). [https://web.archive.org/web/20120426070349/http://wldb.ilec.or.jp/data/ilec/WLC13_Papers/others/5.pdf "OUR LAKES, OUR FUTURE"] (PDF). International Lake Environment Committee Foundation. p. 18. Archived from the original (PDF) on April 26, 2012. Retrieved 2011-12-29.</ref> Noka ya Suguta e tswa mo nokeng e e nang le metsi a a belang a a tswang mo letlhakoreng la Thaba ya Silali, e leng lekgwamolelo le le sa tlholeng le thunya.<ref>[http://northrifttourism.com/index.php?option=com_content&view=category&layout=blog&id=71&Itemid=213 "About the Baringo Region".] ''North Rift Tourism''. Retrieved 2012-04-09.</ref> Baitseanape bangwe ba lefatshe ba fopholetsa gore motswedi wa metsi a a bolelo wa Kapedo, o o welang ka setlhopha sa diphororo go ya kwa [[Nokeng ya Suguta]], o tswa mo Letsheng la Baringo dikilometara di le masome a marataro go ya kwa borwa. <ref>Keith Bain; Pippa De Bruyn; Philip Briggs; Lizzie Williams (2010). ''[https://books.google.com/books?id=gtIuj0DenGwC&pg=PA159 Frommer's Kenya and Tanzania]''. John Wiley & Sons. ISBN [[:en:Special:BookSources/978-0470285589|<bdi>978-0470285589</bdi>.]]</ref>Ka nako nngwe Noka ya Suguta e feta fa gare ga makgwamolelo a mabedi mme e fepiwa go tswa mo matlhakoreng oomabedi ka metswedi e e bothitho.<ref>[http://www.wondermondo.com/Countries/Af/Kenya/RiftValley/LogipiGeyser.htm "Logipi Geyser".] ''WonderMondo''. Retrieved 2012-04-09.</ref> Mo mafelong mangwe dintshi tsa Noka ya Suguta di na le ditlhare tsa mokolane.<ref>[https://web.archive.org/web/20160304002610/http://www.flyladylori.com/2011/09/sand-dunes-of-the-suguta-valley-2/ "SAND DUNES OF THE SUGUTA VALLEY".] ''Lady Lori''. Retrieved 2012-04-09.</ref> Noka eno le melatswana ya yone ke legae la di-cichlid, e leng tilapia ya Suguta (Oreochromis niloticus sugutae). <ref>Daniel O. Okeyo. [ftp://ftp.cordis.europa.eu/pub/inco2/docs/29_dookeyo.pdf "TAXONOMY, COMMON NAMES AND DISTRIBUTION OF FISH IN THE EASTERN ARM OF THE RIFT VALLEY DRAINAGE, KENYA"] (PDF). ''FTP server'' (FTP). Retrieved 2012-04-09.</ref>Le fa gone noka eno e kgala morago ga dipula, ditlhapi tseno di kgona go tshela mo matamong. Noka eno gape ke legae la dikwena di le dintsi. Go na le ditlhopha di le dintsi tsa di-flamingo mo dintshing tsa noka eno. <ref>[https://web.archive.org/web/20120426081400/http://www.bigearth.com/location/suguta-valley-crossing/ "Suguta Valley Crossing"]. ''Big Earth''. Retrieved 2012-04-09.</ref> == Metswedi == 7i195amv8s2muky05xgmjteh1p7sldy Noka ya Zambezi 0 13779 54218 51235 2026-08-18T13:54:12Z InternetArchiveBot 8156 Rescuing 1 sources and tagging 0 as dead.) #IABot (v2.0.9.5 54218 wikitext text/x-wiki [[Setshwantsho:Zambezi River at junction of Namibia, Zambia, Zimbabwe & Botswana.jpg|thumb|Noka ya Zambezi]] '''Noka ya Zambezi''' (e gape e bidiwang Zambeze le Zambesi) ke noka ya bone e telele go gaisa mo Afrika, noka e telele go gaisa e e elelang kwa botlhaba jwa Afrika le e kgolo go gaisa e e elelang mo Lewatleng la lefatshe la India go tswa mo Afrika. Metsi a yone a khurumetsa 1,390,000 km2 (540,000 mi2),<ref>[https://web.archive.org/web/20081217180850/http://files.gorongosa.net/filestore/348-patterns_hydrological_change_zambezi_delta.pdf "Richard Beilfuss & David dos Santos: Patterns of Hydrological Change in the Zambezi Delta, Monogram for the Sustainable Management of Cahora Bassa Dam and The Lower Zambezi Valley (2001). Estimated mean flow rate 3424 m³/s"] (PDF). Archived from the original (PDF) on 17 December 2008. Retrieved 18 October 2008</ref><ref>[http://www.riob.org/transfrontalier/Bilanglobal.PDF International Network of Basin Organisations/Office International de L'eau:] Archived 27 March 2009 at the Wayback Machine "Développer les Compétences pour mieux Gérer l'Eau: Fleuves Transfrontaliers Africains: Bilan Global." (2002). Estimated annual discharge 106 km<sup>3</sup>, equal to mean flow rate 3360 m<sup>3</sup>/s</ref>e e kwa tlase ga halofo ya noka ya Nile. Noka e e boleele jwa dikilometara di le dikete tse pedi ,makgolo a matlhao le masome a supa le bone e tlhoga kwa lefatsheng la [[Zambia]] mme e elela go ralala botlhaba jwa lefatshe la [[Angola]], go bapa le molelwane wa bokone-botlhaba jwa Namibia le molelwane wa bokone jwa [[Botswana,]] go tswa foo go bapa le molelwane magareng ga lefatshe la [[Zambia]] le lefatshe la [[Zimbabwe]] go ya [[Mozambique]], koo e kgabaganyang naga go ya go wela mo Lewatleng la [[India]].<ref>[https://www.britannica.com/place/Zambezi-River "Zambezi River | river, Africa".] ''Encyclopedia Britannica''. Archived from the original on 2 May 2021. Retrieved 20 May 2021.</ref><ref>[https://www.victoriafalls-guide.net/zambezi-river.html "Zambezi River Facts and Information".] ''www.victoriafalls-guide.net''. Archived from the original on 7 May 2023. Retrieved 27 May 2021</ref>Karolo e e itsegeng thata ya Zambezi ke [[Victoria Falls]]. Diphororo tse dingwe tsa yone di akaretsa Chavuma Falls<ref>[https://www.britannica.com/place/Chavuma-Falls "Chavuma Falls | waterfall, Zambia | Britannica".] ''www.britannica.com''. Archived from the original on 26 June 2022. Retrieved 26 June 2022</ref>le Ngonye Falls.<ref>[https://www.zambiatourism.com/destinations/waterfalls/ngonye-falls/ "Zambia Tourism: Waterfalls"]. ''Zambia Tourism''. Archived from the original on 7 April 2020. Retrieved 25 June 2022</ref> Metswedi e mebedi e metona ya motlakase wa metsi mo nokeng ke Letamo la Kariba, le le tlamelang lefatshe la [[Zambia]] le lefatshe la [[Zimbabwe]] ka motlakase, le Letamo la Cahora Bassa kwa lefatsheng la [[Mozambique]], le le tlamelang lefatshe la [[Mozambique]] le lefatshe la [[Aforika Borwa|Afrika Borwa]] ka motlakase. Mo godimo ga moo, diteišene tse pedi tse dinnye tsa motlakase kwa lefatsheng la [[Zambia]] di kwa Victoria Falls le Zengamina.<ref>Pasanisi, Francesco; Tebano, Carlo; Zarlenga, Francesco (March 2016). [[doi:10.3390/environments3010006|"A Survey near Tambara along the Lower Zambezi River".]] ''Environments''. '''3''' (1): 6. doi:10.3390/environments3010006</ref><ref>[https://web.archive.org/web/20220423080555/http://www.nwzdt.org/?page_id=22 "Zengamina Hydro Project | North West Zambia Development Trust".] Archived from the original on 23 April 2022. Retrieved 18 April 2022</ref> == Tsela == === Tshimologo === Noka e tswa mo [[dambo]] e ntsho, e e nang le matlhaka mo sekgweng se se kitlaneng, se se tletseng makhubu sa miombo makgolo a matlhano (50 km (31 mi) kwa bokone jwa Mwinilunga le masome a mabedi (20 km (12 mi) kwa borwa jwa Ikelenge mo Kgaolong ya Ikelenge ya Porofense ya Bokone-Bophirima, Zambia, mo e ka nnang sekete le makgolo a matlhano le masome a mabedi le bone (1,524 metres (5,000 ft) godimo ga bogodimo jwa lewatle.<ref>[https://web.archive.org/web/20150904101922/http://www.muvitv.com/dilapidated-zambezi-source-site-worry-ikelenge-dc/ "Dilapidated Zambezi Source Site Worry Ikelenge DC".] ''muvitv.com''. Muvi TV. Archived from the original on 4 September 2015. Retrieved 1 August 2015</ref>Lefelo le le dikologileng motswedi ono ke lefelo la bosetšhaba la segopodiso, lefelo le le sireleditsweng la sekgwa, le lefelo le le botlhokwa la dinonyane.<ref>[https://web.archive.org/web/20150904101922/http://www.birdlife.org/datazone/sitefactsheet.php?id=7178 "ZM002 Source of the Zambezi"]. ''birdlife.org''. Birdlife International. Archived from the original on 4 September 2015. Retrieved 1 August 2015.</ref> Go ela kwa botlhaba jwa motswedi wa metsi, molelwane wa metsi fa gare ga Melapo ya Congo le Zambezi ke molelwane o o supilweng sentle wa naga e e kwa godimo, o o tsamayang go tswa botlhaba go ya bophirima mme o wela ka bonako go ya kwa bokone le kwa borwa. Seno se kgaoganya ka phepafalo noka ya Lualaba (karolo e kgolo ya noka e e kwa godimo ya Congo) le [[noka ya Zambezi]]. Mo tikologong ya motswedi wa noka, lefelo le le kgaoganyang metsi ga le tlhalosiwe sentle, mme melapo e mebedi ya dinoka ga e kopane.<ref name=":0">Dorling Kindersley, pp. 84–85 [https://en.wikipedia.org/wiki/Zambezi#cite_note-Dorling-14]</ref> Kgaolo e e nosediwang ke noka ya Zambezi ke setlhaba se setoa se se nang le matlhakore a a kgaoganeng a a bogodimo jwa makgolo a robabongwe go ya ko sekete le makgolo a mabedi, se se bopilweng mo karolong e e kwa tengteng e e kwa kgakala ya dikhuti tsa metamorphic mme se kgabagantswe ke matlapa a a mogote a [[Victoria Falls]]. Kwa Chupanga, kwa karolong e e kwa tlase ya Zambezi, go na le matlapa a masetlhana a a serolwana le botala jwa motlhaba, a ka dinako tse dingwe a nang le lekgwamolelo, a a tlhagelelang mo boalong jwa noka ka paka ya komelelo, mme a nna a ntse a le teng go feta kwa Tete, koo a kopanngwang teng le dikhuti tse dikgolo tsa magala. Magala a fitlhelwa gape le mo kgaolong e e fa tlase ga Victoria Falls. Maje a a nang le gouta a fitlhelwa mo mafelong a le mmalwa.<ref>Ashton, Peter; Love, David; Mahachi, Harriet; Dirks, Paul. [https://pubs.iied.org/pdfs/G00599.pdf "An Overview of the Impacts of Mining and Mineral Processing Operations on Water Resources and Water Quality in the Zambezi, Limpopo AND Olifant Catchments in Southern Africa"] (PDF). ''International Institute for Environment and Development''. Mining, Minerals and Sustainable Development Project, Southern Africa. Archived (PDF) from the original on 14 November 2020. Retrieved 13 November 2020.</ref> === Karolo e e kwa Godimo ya Zambezi === Noka e elela go ya kwa borwabophirima go ya kwa lefatsheng la Angola ka makgolo a mabedi le masome a mane (240 km (150 mi), mme morago ga moo e kopanngwa ke dinoka tse di kgolo tse di jaaka Luena le Chifumage tse di elelang go tswa kwa dithabeng go ya kwa bokone-bophirima. <ref name=":0" />E retologela kwa borwa mme e nna lefelo le le nang le merwalela, le le nang le pharologano e kgolo ya bophara magareng ga dipaka tse di omileng le tsa dipula. E tsena mo sekgweng se se kitlaneng sa Cryptosepalum se se nnang se le setala, le fa go ntse jalo, mo letlhakoreng la yone la bophirima, go na le bojang jwa kwa Zambezia Bophirima. Fa e boela gape kwa Zambia, e bophara jwa 400 m (1,300 ft) ka paka ya dipula mme e elela ka bonako, ka diphefo tse di felelang kwa Chavuma Falls, koo noka e elelang ka phatlha ya matlapa. Noka e wela kwa godimo ka makgolo a mane (400 m (1,300 ft) go tswa kwa motsweding wa yone kwa sekete le makgolo a matlhano (1,500 m (4,900 ft) go ya kwa Chavuma Falls kwa sekete le lekgolo (1,100 m (3,600 ft), mo sekgaleng sa makgolo a mane (400 km (250 mi). Go tswa mo ntlheng eno go ya kwa Victoria Falls, bogodimo jwa lekadiba bo tshwana fela, bo wela fela ka lekgolo le boferabobedi (180 m (590 ft) go kgabaganya sekgala sa dikilometara di le makgolo a robangbobedi (800 (500 mi).<ref>Page, Geology (25 November 2014). [https://www.geologypage.com/2014/11/zambezi-river.html "Zambezi River".] ''Geology Page''. Archived from the original on 20 May 2021. Retrieved 20 May 2021</ref> Noka ya ntlha ya dinoka tse dikgolo tse di elelang mo Nokeng ya Zambezi ke Noka ya Kabompo e e kwa metsana ya Bokonebophirima jwa Zambia. Naga e noka eno e elelang mo go yone e fetoga lebala le legolo le le tletseng ka ditlhare tsa borassus. Go le gonnye go ela kwa borwa go na le motswedi wa Noka ya Lungwebungu. Eno ke tshimologo ya Barotse Floodplain, karolo e e itsegeng thata ya Zambezi e e kwa godimo, mme karolo e e kwa bokone ga e na merwalela e mentsi mme e akaretsa ditlhaketlhake tsa naga e e kwa godimo mo gare.<ref>[https://www.victoriafalls-guide.net/zambezi-river.html "Zambezi River Facts and Information".] ''www.victoriafalls-guide.net''. Archived from the original on 7 May 2023. Retrieved 22 May 2021</ref> Mo e ka nnang dikilometara di le masome a mararo kwa tlase ga motswedi wa Lungwebungu, naga e nna e e sephaphathi thata, mme lefelo le le tlwaelegileng la Barotse Floodplain le a bulega, ka merwalela e e fitlhang bophara jwa dikilometara di le masome a mabedi le botlhano ka paka ya dipula. Mo sekgaleng sa dikilometara di feta makgolo a mabedi go ela kwa tlase ga noka, modikologo wa morwalela wa ngwaga le ngwaga o laola tikologo ya tlholego le botshelo jwa batho, setšhaba le setso. Mo e ka nnang dikilometara di le masome a robabobedi kwa tlase, Luanginga, e e nang le melatswana ya yone e e elelang mo lefelong le legolo kwa bophirima, e kopana le Zambezi. Sekgala se se khutshwane kwa godimo kwa botlhaba, molapo o mogolo o kopana le one ka nako ya dipula ka go penologa ga thulaganyo ya Luampa/Luena.<ref name=":0" /> Kgakajana le fa noka eno e kopanelang teng le Luanginga, go na le Lealui, nngwe ya ditoropokgolo tsa batho ba Ba-Lozi, ba ba nnang kwa kgaolong ya Zambia ya Barotseland kwa metsana e e kwa Bophirima. Kgosana ya Ba-Lozi e na le nngwe ya dikago tsa yone tse pedi kwa Lealui; e nngwe e kwa Limulunga, e e kwa godimo mme e nna motsemogolo ka paka ya dipula. Go fuduga ga ngwaga le ngwaga go tswa kwa Lealui go ya kwa Limulunga ke tiragalo e kgolo, e e ketekiwang jaaka nngwe ya meletlo e e itsegeng thata ya Zambia, e leng Kuomboka. Morago ga Lealui, noka e retologela kwa borwa-botlhaba. Go tswa kwa botlhaba, e tswelela go amogela melatswana e mennye e mentsi, mme kwa bophirima, ga e na melatswana e megolo ya dikilometara di le makgolo a mabedi le masome a mane . Pele ga moo, Diphororo tsa Ngonye le makhubu a a tlang morago ga tsone a kgoreletsa go tsamaya ka sekepe. Borwa jwa phororo ya Ngonye, noka e kgabaganyetsa kwa Namibia's Caprivi Strip.<ref name=":0" />Kwa tlase ga motswedi wa Noka ya Cuando le Noka ya Zambezi, noka e sokologela kwa botlhaba. Fano, noka eno e sephara e bile ga e boteng e bile e elela ka bonya, mme fa e ntse e elela go ya kwa botlhaba go ela kwa molelwaneng wa setlhaba se segolo sa bogare jwa Afrika, e fitlha mo mosimeng o Victoria Falls e welang mo go one. === Zambezi e e fa gare === Diphororo tsa Victoria, kwa Zambezi e e kwa godimo e felelang teng le kwa Zambezi e e fa gare e simologang teng Diphororo tsa Victoria di tsewa e le molelwane fa gare ga noka e e kwa godimo le e e fa gare ya Zambezi. Ka fa tlase ga tsone, noka e tswelela go elela go ya kwa botlhaba mo e ka nnang makgolo a mabedi (200 km (120 mi), e kgabaganya dipota tse di tlhamaletseng tsa basalt masome a mabedi go ya go masome a marataro (66 go ya go 197 ft) go kgaogana mo dithabeng tse di makgolo a mabedi go ya go makgolo a mabedi le botlhano (250 m (660 go ya go 820 ft) kwa godimo. Noka eno e elela ka bofefo go ralala Batoka Gorge, mme e kgaosediwa gangwe le gape ke matlapa a lewatle. E tlhalositswe <ref>Edington, Sean (29 December 2020). [https://web.archive.org/web/20210520102959/https://safpar.com/is-rafting-on-the-zambezi-river-below-the-victoria-falls-dangerous/ "Is rafting on the Zambezi River below The Victoria Falls Dangerous?".] ''SAFPAR''. Archived from the original on 20 May 2021. Retrieved 20 May 2021.</ref>jaaka nngwe ya maeto a a kgatlhisang thata a metsi a a phepa mo lefatsheng, e leng kgwetlho e kgolo thata mo bathong ba ba dirisang diketswana le ba ba dirisang diphaepe. Kwa morago ga mosima ono go na le melapo e le mmalwa e e felelang ka dikilometara di le makgolo a mabedi le bone kwa tlase ga Victoria Falls. Mo sekgaleng seno, noka e wela kwa tlase ka dimetara di le makgolo a mabedi le botlhano. Ka nako eno, noka eno e tsena mo Letsheng la Kariba, le le neng la tlhongwa ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a matlhano le borobabongwe (1959) fa go sena go wediwa go agiwa Letamo la Kariba. Letsha leno ke lengwe la matsha a magolo go a gaisa otlhe a a dirilweng ke batho mo lefatsheng, mme didirisiwa tse di fetlhang motlakase o o tswang mo metsing tse di leng mo letamong leno di naya bontsi jwa lefatshe la [[Zambia]] le lefatshe la [[Zimbabwe]] motlakase. Noka ya Luangwa le ya Kafue ke melatswana e mebedi e megolo go gaisa e e elelang kafa molemeng wa noka ya Zambezi. Noka ya Kafue e kopana le noka e kgolo ka molatswana o o didimetseng, o o boteng wa bophara jwa dimetara di ka nna lekgolo le masome a robabobedi . Go tswa mo ntlheng eno, noka ya Zambezi e sokologa go ya kwa bokone mme e bo e tswelela e elela go ya kwa botlhaba. Kwa go kopanngwang le noka ya Luangwa (15°37' S), e tsena mo [[Mozambique|Mozambique.]]<ref>Valkenburgh, Blaire Van; White, Paula A. (20 April 2021). [[doi:10.7717/peerj.11313/fig-1|"Figure 1: Map showing location of Luangwa Valley and Greater Kafue Ecosystem in Zambia".]] ''PeerJ''. '''9''': e11313. doi:10.7717/peerj.11313/fig-1</ref> Zambezi e e fa gare e felela fa noka e tsenang mo Letsheng la Cahora Bassa, e e neng e le lefelo la diphefo tse di kotsi tse di itsegeng jaaka Kebrabassa; letsha leno le ne la tlhamiwa ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a supa le bone (1974) ka go agiwa ga Letamo la Cahora Bassa.<ref>[https://archive.gramene.org/db/ontology/search?id=44313 "GAZ Term "Zambezi River" (GAZ:00044898)".] ''archive.gramene.org''. Archived from the original on 20 May 2021. Retrieved 20 May 2021</ref> === Noka e e kwa tlase ya Zambezi === Noka ya Zambezi e e kwa tlase ya dikilometara di le makgolo a marataro le makgolo a matlhano go tswa kwa Cahora Bassa go ya kwa Lewatleng la India e kgona go tsamaisiwa ka dikepe, le fa gone noka eno e se boteng mo mafelong a le mantsi ka paka ya komelelo. Noka eno e nna e se boteng fa e tsena mo mokgatšheng o o atlhameng mme e bo e anama mo lefelong le legolo. Noka eno e dikologilwe ke dithaba tse di kwa godimo mo lefelong le le lengwe fela, e leng Lupata Gorge, e e leng dikilometara di le makgolo a mararo le masome a mabedi go tswa mo molomong wa yone. Fano, e bophara jwa dimetara di le makgolo a mabedi fela. Mo mafelong a mangwe e bophara jwa dikilometara di le tlhano go ya go di le boferabobedi mme e elela ka iketlo mo melatswaneng e le mentsi. Noka eno e na le motlhaba, mme dintshi tsa yone di kwa tlase e bile di na le matlhare a lotlhaka. Le fa go ntse jalo, kwa mafelong mangwe, segolobogolo ka paka ya dipula, melatswana eno e kopana go nna noka e le nngwe e kgolo e e elelang ka bonako. Mo e ka nnang dikilometara tse lekgolo le masome a marataro go tswa kwa lewatleng, [[Noka ya Zambezi]] e amogela metsi a Letsha la Malawi ka [[Noka ya Shire]]. <ref name=":0" />Fa noka eno e fitlha mo Lewatleng la India, e kgaogana go nna noka ya delta. Nngwe le nngwe ya metswedi e megolo ya metsi, Kongone, Luabo le Timbwe, e thibetswe ke motlhaba. Lekala le le kwa bokone, le le bidiwang molomo wa Chinde, le na le boteng jo bo kwa tlase jwa 2 metres (6 ft 7 in) kwa botsenong le 4 metres (13 ft) go ya kwa teng, mme ke lekala le le dirisediwang go tsamaisa dikepe. Mo e ka nnang dikilometara di le lekgolo go ya kwa bokone go na le noka e e bidiwang Quelimane, e e bidiwang ka toropo e e mo molomong wa yone. Noka eno, e e ntseng e gogomoga, e amogela metsi a a fetang a Zambezi ka paka ya dipula.<ref>[https://theodora.com/encyclopedia/z/zambezi.html "Zambezi - Encyclopedia"]. ''theodora.com''. Archived from the original on 20 May 2021. Retrieved 20 May 2021</ref> == Metswedi == anc8b7ubif5eyr05p29pacjpcm3o18w