Dithamalakane
From Wikipedia
| Thamalakane | Tlhaloso |
|---|---|
| Sa re nyedi sa re tseke, se ruta podi matseba | Legadima |
| Ka itaya mpipi, mpipi a tlhoka lebadi | Metsi |
| Ka itaya mpipi, mpipi a tswa lebadi | Seretse |
| Ngwana a phinya, mmagwe a sia | Lerumo la setlhobolo |
| Sa tampa tampa sa ya go tsalela kwale | Ke thotse ya nama, mme legapu la golela kwa |
| Sentlhaga sa kgwerere se thulame mme mae ga a tshologe | Lebele la Kgomo |
| Monna yo o ko Ntsweng yo o binang pedi mpepetlwana | Ke loleme |
| Moraka o o mo gare ga motlhaba | Ngwedi |
| Phate ikale o bo o ikalola | Maru |
| Sea tampa tampa seya go tsalela fale | Thotse |
| Ooo thiaa setlantlapane | Tlhogo ya gopane |
Tswee tswee tobetsa "edit" ko godimo o tsenye tse dingwe.

